Profits (Maize) (935 words)								Setswana



Go tlaleletsa boleng – a se se ka oketsa dipoelo?



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jenny Mathews, modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Ka dinako dingwe tirego ya tlaleletsoboleng ke togamaano e e atlegileng mo bantshakunong go oketsa mela ya dipoelo tsa bona le go tshola tiro ya bona ya temothuo e dira sentle. Ka bokhutshwane tlaleletsoboleng ka boleng jo bo kwa godimo.



Tlaleletsoboleng ke eng?

Go tlaleletsa boleng jwa sejalo go raya go nna le seabe mo motseletseleng wa boleng ka go tsweletsa dikuno tsa polase ka tsela nngwe fela. Se gantsi se tlhoka gore montshakuno a beeletse mo ditirong tse dingwe jaaka go thapa badiri ba bangwe gape, kgotsa go reka didiriso tse dingwe, ka jalo go tlhokega dipalelelo tse di akantsweng sentle go netefatsa gore dipoelo di tlaa dirwa morago ga tirego ya tlaleletsoboleng. Go feta moo, dipalelelo tse ga di a tshwanela go dirwa gangwe fela fela – ditlhotlhwa tse di sa tsepamang le maemo a a fetofetogang a mebaraka, a tlhola gore dipalo tse di ye tlase le godimo mo e leng gore ka dinako dingwe tlaleletsoboleng e ka nna le poelo, fa ka dinako dingwe go ka se nne jalo.



Go reng bantshakuno ba tlhoka go nna le seabe mo tiregong ya tlaleletsoboleng?

Go le gantsi bantshakuno ke baamogelatlhotlhwa go na le go nna babayatlhotlhwa. Se se raya gore ke bareki ba dikuno tsa polase ba ba tlhomang gore go tlaa duelwa bokae mme montshakuno ga a na maatla a go ipuelela go bona kgwebo e e botoka. Kwa bofelong, bantshakuno ba tshwanetse go sekaseka ditsela tse di kgonegang tsa gore ba nne le karolelo mo bolennye jo bo tlalelediwang mo sejalong sa bona morago ga go tswa mo polaseng ka go tshola tirego ya ntshokuno mo polaseng le mo gae ka fa go ka kgonegang ka teng fa gona e sala go nna le bogonego jwa seikonomi.



Go tlaleletsa boleng mo mmiding

Ditlhotlwa tsa gajaana tsa mmidi tsa 2010 di kwa tlase thata mme bantshakuno ba tlhoka go akanya gore a ga go tsela e nngwe e ba ka tokafatsang lotsenokgonego lwa sejalo se. Sekao go ka dirwa palelelo e e botlhofo go bona kgonego ya poelo ka go tlaleletsa boleng ka go sila mmidi go dira bupi jwa mmidi.



A re dire palelelo ka go tsaya gore tono e le nngwe ya mmidi o mosweu e ka rekisiwa ka R1000,00. Boemong jwa go rekisetsa koporasi ya dithoro ya selegae tono e le nngwe e ya mmidi, Rre Molemi o ka fetolela mmidi wa gagwe o mosweu go nna bupi jwa mmidi go jewa ke batho. Se o ka se dirang ka go itshilela kgotsa go o isa kwa tshilong ya mmidi e e gaufi go o sila mme a tla go tsaya bupi jwa mmidi jo bo phakejilweng moragonyana.



Ikgethelo ya ntlha

Rre Molemi o ka akanya ka mesola ya pakatelele fa a itshilela mo polaseng ya gagwe ka jalo a nna Rre Mong wa Tshilo ka boena. O tshwanetse go akanya:

A o na le sebaka mo lefelong la gagwe kgotsa a o tlaa tshwanela go thapa lefelo le lengwe?

Ke melawana efe ya pholo e o tlaa tshwanelang go e tshegetsa le gona go tlaa mo ja bokae?

O tlaa tlhoka didiriso tsa mofuta mang mme a ditshenyegelo mo pakeng e e atologileng di tlaa bo di le mosola, sekao, malwala, dikale, diboro, ditswaki le motšhine o o rokelelang dikgetsi, j.j?

Go tlaa tlhokega phakejing e e ntseng jang le gona o tlaa bona kae dikgetsi tseo?

Ditshenyegelo tsa letshwaomoono, mokwalotshwao le setshwaokgwebo (branding) di tlaa nna bokae?

A o tlaa tlhoka setlhopha sa badiri se se okeditsweng?

Bupi bo tlaa rekisiwa kae?



Go tshwanetse go lemogwe gore se ke togamaano ya pakatelele e e tlamang Rre Molemi mo tiregong ya tshilo.



Ikgethelo ya bobedi

Kgonagalo e nngwe e ka nna goreRre Molemi a rwalele mmidi o mosweu wa gagwe kwa tshilong e e gaufi go o sila go nna bupi. Itlhophelo e e swedietegang thata e e raya gore o ka itlhophela go dira se ka ditlhotlhwa tsa mmidi di le kwa tlase moo a eletsang go bona tsela ya go oketsa molapeolo mo sejalong kgotsa o ka rekisa mmidi wa gagwe o ntse fela jalo fa ditlhotlhwa tsa mmaraka di amogelesega. Ga e tlhoke peeletso ya khepetlele e nngwe fela e letla gore tlaleletsoboleng e diragale. Montshakuno mongwe le mongwe o tlhoka go dira tirogae ya gagwe mo boagisaning jwa gagwe.



Rre Mong wa Tshilo o baleletse gore ditshenyegelo tsa me tsa dikelo ka Motsheganong 2010 di tlaa nna: 

20% ya tatlhegelo ya go sila gonne moroko le bose di tsewa ke Rre Mong wa Tshilo jaaka karolo ya tuelo ya go sila ya gagwe.

Se se raya gore ke tlaa amogela 800 kg ya bupi go tswa mo mmiding wa me wa 1 000 kg.

Go sa ntse gape go nna le tuelo ya tshilo ya madi a a seatleng ya tlaleletso ya R320 ya ditirelo tse ke di diretsweng ke Rre mong wa Tshilo.



Dipalelo di lebega jaana:

Mmidi wa ditono tse 1 000 - 20% ya tatlhegelo ya go sila (200 kg ya moroko le bose) = 800 kg ya bupi fela.

Fela 800 kg ya bupi mo dikgetseng tsa bogolo jo bo siameng jo bo nepagetseng tse ke di tlhokang le tse ke kopang Rre Mong wa Tshilo go bo tsenya mo go tsona, bo ka rekisiwa ka tlhotlhwatlase ya kelo e e leng teng ya jaanong ya R2,20 ka khilogeramo.



Bupi – 800 kg x R2,20/kg 					= 		R1 760 

Ntsha tuelo ya go sila						= 		R   320

Madi a a mo kgwatlheng go tswa mmiding wa 1 tono		=		R1 440

Mosola go tswa tiregong ya tlaleletsoboleng mo tonong e 

e sidilweng nngwe le nngwe 					=		R   440 



Go na le mesola mengwe e mentsi go tswa mo togamaanong e:

Ditiro tsa ikonomi ya selegae di a rotloetsega;

Montshakuno o kgona go bona mosola mo karolelong ya mmaraka e kgolo;

Ikonomi ya mafelo a magae e tswelwa mosola; le 

Go tlholwa ga ditiro mo tikologong.



Go sa na le diphatlha tse dingwe tse dintsi tse di ka utololwang mabapi le tlaleletsoboleng. Go ka nna poelo e e kae mo go diriseng mmidi wa ga Rre Molemi mo ditsholelong tsa phepo tsa dikoko, dikolobe kgotsa nama ya kgomo? Go ka nna le mesola efe mo baleming ba mmidi fa mmidi o ka bapalediwa madirelo a ethanolo? A Rre Molemi o tlaa bona madi a mantsi mo sejalong sa mmidi sa gagwe kwa bokhutlong jwa motseletsele wa boleng o a itsentseng mo go ona? Re tlaa tsenya matlho thata mo ditiregong tse mo isagweng.





